Orange e rotloetsa bodiragatsi

No Image

Moanamisa mafoko wa kompone ya Orange yo gape eleng mookamedi wa lekalana la bopelotlhomogi lwa kompone e ya ditlhaeletsano, Boga Chilinde-Masebu a re ka tshimolodiso ya thulaganyo ya maitiso a moopelo ya Orange Togetherness, ba itlamile go ema nokeng bodiragatsi le mananeo a a rotloetsang tsosoloso ya ngwao.

Chilinde-Masebu o buile se bosheng mo potsolotsong le Naledi a tlhalosa fa moletlo wa maitiso a mmino wa Orange Togetherness o rotloetsa kgodiso le kemonokeng ya baopedi, bo setlabosheng le ba ba setseng ba segile tema mo mererong ya baopedi le bodiragatsi. Chilinde-Masebu o buile se morago ga maitiso a kompone ya gagwe a aneng a atlega kwa Tsabong ngwaga o simologa le kwa Jwaneng ka mafelo a beke.

A re mo maitisong a, ba laletsa baopedi ba mafatshe a sele jaaka ba Aferika Borwa, e bile ba tumile, mme ba diragatse le ba mo gae.

Editor's Comment
We should care more for our infrastructure, road safety

These roads, which are vital conduits for trade and tourism, have long been in dire need of repair. However, while this development is undoubtedly a positive step, it also raises questions about broader issues of infrastructural management and road safety that deserve closer scrutiny.The A3 and A33 roads are not just any roads, they are critical arteries that connect Botswana to its neighbours and facilitate the movement of goods and people...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up