�Tse Ditona� di semeletse

Go lebega go santse go tla nna thata ya lentswe gore ke setlhopha sefe se se tla felelang se gapa nngwe ya dijana tse ditona mono gae Mascom Top 8. Metshameko e e setseng e tshamikilwe go fitlha ga jaana e supa sentle fa go sena setlhopha sepe se se batlang go salela kwa morago.

Fa motho a lebelela metshameko ya mafelo beke a re tswang mo go one, o ka lemoga sentle gore ditlhopha di lwa ka tse tsotlhe go gwetlha bommampudi ja kgaisano e.Se gongwe ke ka ntlha ya gore barotloetsi Mascom le bone ba tsentse lentswana mo mading a gapiwang ngwaga ono go nna P1.2 million.

Motshameko o ne o le kwa Molepolole Sports Complex ka Sontaga o ne o sisibetse le go feta fa masole,BDF XI ba fenya Gaborone United ka nno ele nngwe go lefela. Patrick Kaunda o ne a kokotela sepekere sa ntlha ebile  ele sa bofelo sa motshameko mo motsotsong wa masome a mabedi le boratato. Kaunda o ne a nota GU mo bolong e ne e tswa mo go Phenyo Molefe.

Editor's Comment
We should care more for our infrastructure, road safety

These roads, which are vital conduits for trade and tourism, have long been in dire need of repair. However, while this development is undoubtedly a positive step, it also raises questions about broader issues of infrastructural management and road safety that deserve closer scrutiny.The A3 and A33 roads are not just any roads, they are critical arteries that connect Botswana to its neighbours and facilitate the movement of goods and people...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up